Kholera ke eng
Kholera ke bolwetse jo bo tshwarang motho ka ntlhaya go nwa metsi kgotsa go ja dijo tse di nang le mogare wa kholera.
Mogare o o bakang bolwetse jwa kholera o fitlhelwa mo mantleng a motho.
Bolwetse jwa kholera bo phasalala jang
Ka go nwa kgotsa go ja dijo tse di kgotletsweng ke mogare wa kholera.
O lemoga jang fa motho a na le bolwetse jwa kholera
Fa motho a tshoganyediwa ke teng e e iperekang ( mantle a a metsi).
Gape fa motho a tlhatsa
Fa motho a latlhegelwa ke metsi a mantsi go tswa mo mmeleng ka ntlha ya go tlhatsa le teng e e iperekang.
Gape le fa motho a na le diponagalo tse di latelang:
a ikutlwa a le bokowa a ngongorega ka go tshwarwa ke dikerempe mo mabogong le mo maotong letlalo le nna tsididi le go nna matsutsuba matlho a a wetseng le phogwana mo baneng matlho a a wetseng le go omelela molomo mo bagolong
Bolwetse jwa kholera bo ka thibelwa jang
Tlhokomela gore metsi a a dirisetswang go nwa le go tlhatswa maungo le merogo a bedisitswe kgotsa a phepafaditswe
Go bedisa metsi: Gotetsa metsi go fitlhela a bela mme o a tlogele sebaka sa motsotso o le 1
Go phepafatsa metsi: Tshela leswana la teye le le 1 la boletšhi mo dilitareng di le 25 tsa metsi. Tlogela metsi a khurumetswe sebaka sa diura di le 2 kgotsa go feta pele o ka a dirisa
Tlhatswa dijo tse di sa apewang ka metsi a a belang kgotsa a a phepa-
faditsweng pele o di ja
Ja dijo tse di apeilweng sentle, e bile di santsane di le bolelo fa di tsholwa
Ruthufatsa dijo tse di apeilweng sentle gape
Tlhatswa didiriswa tse di dutang metsi mo ntlong, dipitsa le dijana ka metsi a a bedisitsweng kgotsa a a phepafaditsweng
Dirisa komiki e e phepa go gelela metsi go tswa mo sedutelong sengwe se segolo sa metsi
Ka gale khurumela dijo tsa gago mme o di sireletse mo dintshing
Aga VIP kgotsa matlwana a boithusetso a mesima kgakala le metswedi ya metsi noka kgotsa motswedi
O se ka wa dirisa noka jaaka ntlwana ya boithusetso, dirisa VIP kgotsa ntlwana ya boithusetso ya mosima.
Tlhapa mabogo mo metsing a a bedisitsweng kgotsa a a phepafaditsweng fa o tswa kwa ntlwaneng ya boithusetso le pele o tshwara dijo
O ka thusa jang mongwe yo o setseng a tshwerwe ke bolwetse jwa kholera?
Ba nose motswako o montsi wa metsi/letswai
Motswako wa sukiri/letswai o dirwa jang
Tsaya litara e le 1 ya metsi a a bedisitsweng kgotsa a a phepafaditsweng, tsenya maswana a sukiri a le 8 ka leswana la teye le seripa sa leswana la letswai ka leswana la teye, mme o tlhakanye.
Nosa motswako o ka methamonyana kgapetsa ka fa go tlhokagalang ka teng.
BOTLHOKWA
Gakologelwa, tswelela go nosa motho yo tshwerweng ke kholera motswako wa sukiri/letswai.
Isa motho yoo kwa tliliniking e e gaufi kgotsa kwa tikwatikweng ya pusetso ya metsi mo mmeleng ka bonako jo bo kgonagalang.
Fa o batla tshedimosetso go ya pele, kgotsa o akanya gore o ka tswa o tshwerwe ke kholera, kgotsa mongwe wa losika kgotsa mo setšhabeng (mongwe yo o mo itseng), etela tliliniki e e gaufi, bookelo, ngaka kgotsa modiri ka tsa boitekanelo
